1 Timothy 6

Batlhanka ba tlotle beng ba bone

1Batlhanka ba e leng Bakeresete ba tshwanetse go direla beng ba bone thata ba bo ba ba tlotla; se direng gore gotwe batho ba ga Keresete ke badiri ba ba ditshwakga. Se letleng gore leina la Modimo kgotsa thuto ya One e nyadiwe ka ntlha ya se. 2Fa mong-wa bone e le Mokeresete, moo ga go reye gore ba itepeletse; bogolo ba tshwanetse go dira thata ka gore mokaulengwe mo tumelong o thusiwa ke maiteko a bone. O rute boammaaruri jo, mme o kgothatse botlhe go bo tshegetsa. 3Mme bangwe ba ka gana dilo tse, mme ke dithuto tse di nonofileng tse di tshedileng tsa Morena Jesu Keresete ebile ke motheo wa botshelo jwa Semodimo. 4Le fa e le mang yo o buang sengwe se sele se se farologanyeng le se, o a ikgantsha ebile o seeleele. O tila se mafoko a ga Keresete a se rayang le dikganetsanyo tse di felelang mo mafufeng le mo bosilong, tse di isang fela mo go bidiweng ka maina a e seng one, dipateletso le dipelaelo tse di bosula. 5Baganetsi ba, ba ditlhaloganyo tsa bone di bo filweng ke sebe, ga ba itse go bolela boammaruri; mo go bone go bolela Mafoko a a Molemo ke leano la go dira madi fela. Ikgapheng mo go bone.

6A o batla go huma? O setse o humile fa o itumela ebile o siame. 7Le gone ebile ga re a ka ra tla le madi fa re tla mo lefatsheng leno gape ga re kake ra tsaya le fa e le ledinyana le le lengwe fa ree swa. 8Jalo re tshwanetse go itumela fela kwa ntle ga madi fa re na le dijo le diaparo tse di lekanyeng. 9Mme batho ba ba eletsang go huma ka bonako ba simolola go dira mefuta yotlhe ya dilo tse di sa siamang gore ba bone madi, dilo tse di ba utlwisang botlhoko di bile di sulafatsa ditlhaloganyo tsa bone mme kwa bofelong di ba ise kwa moleting. 10Gonne go rata madi ke yone kgato ya ntlha e e yang kwa mefuteng yotlhe ya boleo. Batho bangwe ebile ba setse ba kgelogile mo Modimong ka ntlha ya go a rata, mme ka go dira jalo ba itsentse mo mathateng a mantsi.

11Oo, Timotheo, o monna wa Modimo. Tshaba dilo tse tsotlhe tse di bosula mme mo boemong jwa mo, o dire se se molemo le se se siameng, o ithuta go mo ikanya le go rata ba bangwe, le go nna pelotelele le tshiamo. 12Tlhabanela Modimo thata. Tshwara thata botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo o bo go neileng, jo o bo ipoleletseng ka boipolelo jo bogolo mo ponong ya basupi ba le bantsi.

13Ke go laya fa pele ga Modimo o o nayang botlhe botshelo, le fa pele ga ga Ponto Pilatwe, 14gore o diragatse tsotlhe tse o di go boleletseng gore o di dire, gore ope a se ka a go bona molato go tloga fano go fitlhelela Morena wa rona Jesu Keresete a boa. 15Gonne mo lobakeng lo lo tshwanetseng, Keresete o tlaa senolwa mo legodimong ke Modimo Mothatayotlhe, Kgosi ya dikgosi le Morena wa Barena, 16yo ka esi a se ka keng a swa, yo o nnang mo leseding le legolo le go senang ope yo o ka mo atamelang. Ga go na ope yo o kileng a mmona, kgotsa yo o tlaa mmonang. Mo go ene a go nne tlotlo le nonofo e e sa feleng le puso ka metlha le metlha. Amen.

17Bolelela ba ba humileng gore ba se ka ba ikgantsha le go ikanya madi a bone, a a tlogang a nyelela ka bonako, mme boikgantsho jwa bone le boikanyo bo tshwanetse go nna mo Modimong o o tshelang o o re nayang tsotlhe tse re di tlhokang ka metlha yotlhe go di itumelela. 18Ba bolelele gore ba dirise madi a bone go dira tshiamo. Ba tshwanetse go huma mo ditirong tse di molemo mme ba naya ka boitumelo ba ba tlhokang, ba aga ba ipaakanyeditse go abalana le ba bangwe sengwe le sengwe se Modimo o se ba neileng.

19Ka go dira jalo ba tlaa bo ba ipolokela dikhumo kwa legodimong, ke yone fela polokelo ya bosakhutleng! Mme ba tlaa tshela botshelo jwa Sekeresete jo bo nang le maungo mono lefatsheng le kwa legodimong.

20Oo, Timotheo, o se ka wa tlhoka go dira dilo tse, tse Modimo o di go neetseng. Ikgaphe mo dikganetsanyong tsa boeleele le mo go ba ba ipelafatsang ka “kitso” ya bone mme seo se supa fa ba sena nayo. 21Bangwe ba batho ba, ba latlhegetswe ke selo sa botlhokwa mo botshelong, ga ba itse Modimo. A kutlwelo botlhoko ya Modimo e nne mo go wena.
Copyright information for TsnLEF